Ke go dirile eng Rakgadi? - Book

Ke go dirile eng Rakgadi? - Book Book that speaks of a man called Badisa who faced rejection and also humulation in his everyday lifestyle..

09/01/2023

#1

Mo motseng wa Thamaga go ne go nale mosimane mongwe a bidiwa Badisa,mosimane yo o ne a tlhokafalelwa ke mmaagwe le Rraagwe ntateng ya kotsi ya koloi.O ne a tlogelwa le rakgadiagwe go mo tlhokomela ebong Tshokodiso.

Lerato la ga Badisa e ne e le le legolo fela thata ka gore o ne a mo tlhokomela a mo tsenya le sekolo mme morago a seka a itemogela sepe fela ga e se phutso fela.

Mo baneng ba ga Tshokodiso go ne go se ngwana ope yo o ratang Badisa ka lebaka la gore o ne a Le botlhale Jo bo feteletseng le ko sekolong o ne a dira bontle go gaisa mongwe le mongwe.

O ne a sa ratiwe gape le ke bana ba sekolo ka gore o ne a nna e le ene yo a di gogang ko tlhogong mo dithutong mme le boloi ba ne ba setse ba mo leka.

Badisa o ne a ntse a tsweletse le dithuto mme ga bo go nale mmaangwane mongwe wa ga Badisa yo bidiwang Naledi o ne a sena lerato gotlhelele o ne a lemoga gore Badisa o ya go felela a jesa Tshokodiso ka jalo a bona gore a dire jang ka ene.

Se se neng se diragala mo go bo monnawe Mmaagwe Badisa go ne go tletse bana go rile this! Ka jalo go ne go dira gore ngwana a seka a nna le tlhokomelo e e siameng mme se sa dira gore Badisa a felele a isiwa ko go nkukuagwe ko Thamaga ebong Mmaagwe Rraagwe ko a neng a gorogela mo diatleng tsa ga rakgadiagwe ka nkukuagwe a ne a sa kgone go mo thusa ka sepe.

Mme gape seo se ne se tlisa Mona le boloi mo teng ga dipelo tsa ga Naledi

Address

Molepolole
Gaborone

Telephone

+26775222653

Website

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Ke go dirile eng Rakgadi? - Book posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Contact The Business

Send a message to Ke go dirile eng Rakgadi? - Book:

Share

Category